Thursday, January 24, 2013

KE MANG? (WHO AM I?)

KE MANG?

Mokgatlha wa Mmanaana. Bakgatlha ba Mmanaana ba bonwa ko Botswana mo karolong e e bidiwang Thamaga.

Ba tsere bodulo ka dingwaga tsa Sekete kgoloarobongwe le metso e someamararo (1930). 
Ke ana Kgabo le Kgomo e naana (E tshweu).


Ga go felele fa....ke santle ke ipatlisisa....

MOTHO WA ME (WA PELO)

MOTHO WA ME (WA PELO)


Nna pelo, ke tletse mathaithai
Ke seelele sa bofelo
Mo gongwe ke tsoga ke phophoma boitumelo
Nako tse dingwe ke rotha kgodu e khibidu


Ke tsene ka fa gare ga modutwana (Wa Pelo)
Modutwana (Wa Pelo) yo o molomo monnye
Ke tsene ke ntse ke bona gore gago fa nka tswang
Go fitlhelela a nkgolola (Wa Pelo)


Bontsi ba nako ke tshwarwa ke tlala,
Mme ke je Serati!
Tswala matlho Serati, e tlare fa o phaphama
O tla bo a le fa (Wa Pelo)


‘Ke kopa pelo ya gago motho wa me (Wa Pelo)’
'Busetsa pelo ya me ko mannong'
'Nkgolole motho wa me (Wa Pelo)'
'Ka kopo, nkgolole'


                         Ke go gopotse (Wa Pelo)

##### Pelo, E ja Serati #####