MOTHO WA ME (WA PELO)
Nna pelo, ke tletse mathaithai
Ke seelele sa bofelo
Mo gongwe ke tsoga ke phophoma boitumelo
Nako tse dingwe ke rotha kgodu e khibidu
Ke tsene ka fa gare ga modutwana (Wa Pelo)
Modutwana (Wa Pelo) yo o molomo monnye
Ke tsene ke ntse ke bona gore gago fa nka tswang
Go fitlhelela a nkgolola (Wa Pelo)
Bontsi ba nako ke tshwarwa ke tlala,
Mme ke je Serati!
Tswala matlho Serati, e tlare fa o phaphama
O tla bo a le fa (Wa Pelo)
‘Ke kopa pelo ya gago motho wa me (Wa Pelo)’
'Busetsa pelo ya me ko mannong'
'Nkgolole motho wa me (Wa Pelo)'
'Ka kopo, nkgolole'
Ke go gopotse (Wa Pelo)
##### Pelo, E ja Serati #####
2 comments:
Monate wa puo ya etsho ya Setswana. Re kopa o kwale Leboko La Bakolobeng...
ka kopo re kwalele leboko la bakolobeng. Ke lekile go ba tlisisa fela ga Kea ungwelwa ka sepe. Ke ka mo re kopang thuso ya gago.
Weno
OS Legae
Post a Comment