Mosong ono ke tsoga o kare ke iteilwe ka sengwe mo mmeleng.
Tlhogo le yona ke e, e palelwa ke go emelela.
Nyaa, ga ke a nwa sepe le e seng maitsiboa a maabane.
Ke mma fela ke ne ke gopotse lerato la me.
Tota moratiwa, o a re ke itire eng?
Fa ke go gopola o kare ke tsamaiwa ke selo ka fa gare.
Dikakanyo tsa me ka wena ga di fele.
Fa nkabo go kgonega, ke ne nka go phuthela ka diphofa tsa me.
Ka ko phuthela wa nna wa me go ya go ile.
Mmopi fa a ne a go bopa, o ne a nna le nna mo tlhaloganyong.
Ke kwala jaana, maikutlo a ile godimo.
Pelo ya me e tletse ka boitumelo.
Ijoo nna! pelo ya me, ka ba ka ikolobetsa.
A naa o a itse gore ke ikutlwa jang ka wena?
Ke letse ke sa bo bona motho wa me.
A ko o nthate tlhe motho wa me...ka mokgwa o ke go ratang.
http://mantsebo-wa-mokolobeng.blogspot.com
No comments:
Post a Comment