A FA NKABO KE SETSE
Fa nkabo ke setse, a matlho a me a kabo a tuka ka lerato?
Fa nkabo ke setse, a nkabo ke eletsa pounama tsa gago gaufi le tsa me?
Monko monate wa gago, maikutlo a a bothitho, tsotlhe tse ka wena?
A maikutlo a me mo go wena, a kabo a santse a na le botshelo?
Fa nkabo ke setse, A pelo ya me e kabo e itaya bonako jaana?
E gopotse le go eletsa go utlwa mokibo wa pelo ya gago?
A mmele wa me o kabo o roroma jaana, ke eletsa go utlwa o ntshwere ka seatla?
A mowa wa me o kabo o kgarakgatsega, o batla dikarabo?
Fa nkako ke setse, a felo le lekabo le edile jaana?
Fa nkabo ke setse, a re kabo re santse re lebelelane mo matlhong?
Dipotso tse, di ntlhora motshegare le bosigo
Ke ntse ke eletsa go go bolelela lebaka la me la go go tlogela
Ke tsamaile ka lebaka le..
Boammaruri ke gore, ke tsamaile ka gonne ke go rata
Ee, ke botlaela fela, ke a itse
Lerato la me, ke solofela fa o tla intshwarela
Tota fa nkabo setse, Ao kabo o santse o nthata?
Mokwadi: Mantsebo Golda
No comments:
Post a Comment