Monday, February 16, 2015

Lo Bofefo

Lo Bofefo

Lo bofefo lorato, fela re a lo ketefatsa
Lo bonolo lorato, fela re a lo thatafatsa
Neele pelo e e phophomang ka lona ntle le go dikadika
O tla bona seo lorato e leng sona
Ke tla go busetsa lona ke sa lebe morago

Moratiwa ke a itse gore le go dirileng lorato kwa o tswang
Fela tse o rakaneng le tsona ga di golagane gope le nna
Ntebelele matlhong moratiwa wa me, o gorogile lapeng
Lapeng ke raya le gae la gago, pelong ya me
Bapa le nna o letlelele monyebo wa me go go fodisa matsadi

Ana lorato tota lona ga lona botshabelo
Pelo fa e tlotse, ga go na fa o ka e emisang
Ee, ga e kgetholole, ga e nyenyefatse, ga e kabakabe
Lo maatla lorato, ebile ga le na botshabelo
Nkamogele moratwa, ke re pelo boela mannong mmatli o bone

No comments: